Lokwalo la Badisa go itshiamisetsa Ditlhopho tsa Afrika Borwa ka ngwaga wa 2009
Tsoga! Tsoga! Siriletsa Demokrasi
17 February 2009
Bagaetsho mo Moreneng,
Morago ga dingwaga di ka nna 15 tsa demokrasi, re tsaya gape karolo mo ditlhophong go tlhopha boeteledipele bo bontšha. Morago ga “motlholo” wa 1994, fa Modimo a araba dithapelo tsa rona ka kagiso, boitumelo jo bo neng bole gone morago ga tlhaolele le maitemogelo a masha a go tlhopha bo nyeletse. Afrika Borwa ke naga eo demokrasi e leng entšha mo go yone, eo e nang le dipuisano tse di matla, dikgogakgogano tsa dikeletso le go lwela go busa.
Dikgwetlho tse dikgolo
Jaaka lefatshe, re setse re gatetse pele mo dingwageng tse di fetileng. Re leboga Modimo ka baeteledipele ba ba botlhale bao ba ineetseng gore thusa go bona tse dintle, le bontsi jwa batho bobo bontshitseng bopelotelele. Gole jalo, re nna re tshwenyegile ka dikgwetlho tse kgolo tseo di santseng dire lebane. Re a itse gore ga go kitla go nna le ditharabololo tse di botlhofo mo mathateng a tshwanang le:
- Bohumanegi, kgolo e e matla magareng ga bahumi le bahumanegi, tlhatlogo ya dikelo le go tlhoka tiro;
- Go tlhoka matlo aa maleba, neelano ya ditiriso;
- Go sa itsepamang ga malapa, tlhatlogo ya dintwa tsa selegae le go ima ga basetsanyana;
- Thobalano e esa ikategang, tiriso ee botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi;
- Tlhatlhogo ya polao ya pelegi;
- Go tlhoka-tsebe le tlhokofatso ee iphileng matla, lenaneo la tolamo le le bokoa leo ka nako dingwe le sa direng sentle;
- Bokoa ba maloko a rona ao a tshwanetseng go thusa ka go matlafatsa demokrasi ya rona (jaaka lekgotla la kgaso la SABC le dikgotla-tshekelo);
- Kgolo ya bolwetse ba HIV/AIDS le bana ba ba utlwisitsweng botlhoko ka mokgwa mongwe;
- Boleng jo bo bokoa mo dithutong tsa botlhekwa dikolong tsa puso; le
- Go nna teng ga batswa-ntle le tlhaolele.
Tse ke tse dingwe tsa mathata a leng teng, a re gwetlhang le go re tshwenya mo boeteledipeleng. E bile go beilwe mo go rona gore re bone gore re tlhopha setlhopha sefe seo se nang le melaotheo le boikarabelo ba go arabela dikgwetlho ka botlalo. Go botlhokwa go leba thata setlhopha sese nang le melaotheo e maleba ka go ya ka Efangele jaaka; go lemosa batho ka botlhokwa jwa botshelo, boleng jwa botho le tolamo mo godimo ga dintlha tse.
Jaaka re atamela nako ya ditlhopho, re le Badisa ba molemo, re rata go abelana le lona ka mathata a demokrasi ya rona e e santseng e gola le ka mokgwa oo e tshwanetseng go nna ka teng. Ka go nale di puisano tse di agang tse di maleba mabapi le gore; go raya eng go nna le demokrasi, re a itse ka ga ditiragalo tseo e leng matshosetsi mo go yone. Masetlapelo ao a lateletseng morago ga ditlhopho tsa kwa Kenya le Zimbabwe ka ngwaga wa 2008 a re gopotsa seo, le mororo maemo a rona a sa tshwane, re ka se kgone go nama maoto. Go tlhokomela demokrasi e maleba, ke kgwetlho e tsweletseng.
Ke eng seo re tshwanelang ke go se tlhokomela?
1. Tlhokomela boikanyego jo bofoufetseng
Re tshwanelwa ke go se tswelelepele go tlhopha batho ka gobo re tlwaetse go ba tlhopha (maitlhomo a reng “ke setlhopha sa me go sa kgathalatsege gore ba molato kgotsa ba siame”). Mongwe le mongwe o tshwanetse go ipotsa gore a setlhopha seo a ntseng a se tlhopha mo malobeng, se santse sediragatsa ditshepiso mo ditlhabologong tse di leng teng mo matshelong a batho. Sala morago kakanyo ya ga Jesu mo Mareka 3: 35, boikanyego ba rona ba ntlha bo mo go bao re tshelang le bone, le go ba direla molemo jaaka go tshwanetse mme e seng mo bathong ba ba rileng mme e le mo bathong botlhe: “Mongwe le mongwe yo o dirang thato ya Modimo, ke nnake, kgaitsadiake le mme”. Ga gona phoso fa re fetola ditlhopho tsa rona tsa ditlhopha; ammaruri ka nako nngwe go botlhokwa go dira se gore demokrasi e nne e ntse sentle. A re gopoleng gore mo demokrasing ya nnete, ga re tlhoke go baya tlhopho ya rona mo godimo ga mmala, lotso, puo mme re e lebise mo melaotheong ya ditlhopha tse di farologanyeng.
2. Tlhokomela matshosetsi le go se kgotlellane
Mofuta mongwe wa puo ga o neye motho tetla ya go bua tlhapa e bile o kgoba ba bangwe. Ka jalo re tlhoka go ela tlhoko gore, re se bue kgotsa re se dire sepe se se ka dirang gore bangwe ba tshabe mme ba palelwe ke go lokologa. Ditiro tse di jalo, di akaretsa go tlhoka tlotlo mo go ba bangwe, le maikutlo a bone le dingwao tsa bone, le teko ya kgapeletso mo go tlhopheng setlhopha se sele ka mokgwa mongwe. Mo Luka 6: 35, re gopodiwa gore “ratang baba ba lona, dirang molemo”. Go raya gore tiriso ya ditlhapa le matshosetsi, ga di a letlelesega. Bao re gaisanang le bone, batshwanetse go lebelela ditlhwatlhwa le melaotheo ya rona mme go aga tsa bone.
3. Tlhokomela botlhoka-tsebe
Botlhoka-tsebe (go akaretsa tlhophollo magareng ga bamalapa, ditsala le mo tirong) bo busetsa morago dilo tsotlhe tseo re di fitlheletseng mo go lweleng tolamo. Se, se tlogela batho ba ikutlwa ba tlhakatlhakane, ba sena matla le tsholofelo. Se, se ba dira go tsaya karolo ga bone gonne kwa tlase thata mme se senya moono wa demokrasi. Botlhe re batla go bona maikarabelo a a tswelelang pele le moya wa go dira mo baeteledipeleng ba maemo otlhe. Ba dira ka botswa-pelo go bona gore gonna le twantsho ya botlhoka-tsebe mo tikologong ya rona. Maswabi ke gore bontsi ba batho ba tshaba go mekamekana le dikgwetlho tsa botlhoka-tsebe, jaaka le bone ba raelesega ka dinako dingwe go tsaya karolo mo dilong di tshwana le go kopa mongwe yo o nang le maemo go tlosa/nyeletsa morokotso. Botlhe re tshwanna ke go simolola ka go gana go raelesega ka nako ya botlhoka-tsebe jaaka re ithuta mo go Matheo 7: 5: “Ntsha kota mo leitlhong la gago pele, ke gona otla bonang sentle go ntsha phatlhana mo leitlhong la morwa-rraago”.
4. Tlhokomela go se dire sepe
Mo demokrasing ya nnete, botlhe re bileditswe go tsaya karolo le go arabela mo dintlheng tseo di tlhagang gangwe le gape – e seng fela ka nako ya ditlhopho. Ka jalo, bontsi ba rona ga re dire sepe ka gonne re nagana gore ga rena matla a go tlisa phetogo. Se jaanong se tlisa mokgwa wa ikaego, moo re emelang baeteledipele ba rona go re direla. Fa batho ba ka tlogela go tsaya karolo, ba se itshwenye ka go tlhopha, bao ba leng kwa godimo ba tla dira jaaka ba rata ba sa tshabe gore batla bolelelwa ka mokgwa oo ba dirang ka teng. Re a gopodiwa ke Matheo 7: 21 gore: “Ga se botlhe bao ba reng Morena, Morena mme ba tsena ka kgoro ya legodimo, le gale ke bao ba dirang thato ya ga Rara yo o kwa legodimong”. A re ineeleng mo go ageng naga ya rona le demokrasi mmogo, mme re tseye matsapa a go tsaya karolo ka mokgwa o re tla nnang le tsholofelo le mo go bao ba santseng ba tla nna le botshelo jo bo botoka mo isagweng.
Tiro ya rona jaaka Bakreste
Jaaka Bakreste, re bileditswe go dirisana le MaAfrika Borwa go bona gore gonna le kgolo mme nonofo ya demokrasi ea matlafala ka melao-theo e bile ea diragadiwa. Re dumela gore Jesu Kreste o re bontshitse tsela e re isang mo botshelong jo bo tletseng. Ka jalo, ka moya wa gagwe mo nakong e ya ditlhopho, re bilediwa go akanya ka ditlhokego tse di latelang tsa tumelo ya rona:
1. Re tlhoka go etleetsa ‘pinagare tsa dithuto tsa Kereke tseo di akaretsang:
a. Go tlotla botshelo le botho;
b. Maikarabelo a rona le go dira bontle;
c. Kabelano ya di dirisiwa le ditsarona;
d. Botlhokwa ba go tsaya karolo le
e. Boutlwelo-botlhoko mo go bao ba tlhokang mme ba sena sepe.
2. Re tlhoka go reetsa ditlhokego tsa bahumanegi mme re ba dire baeta-pele;
3. Re tlhoka go nna le thata ya go emelana le baagisane, ditsala, le badiri mmogo mo ditirong tsa sepolotiki, mme a re ba tlotleng mo dikakanyong tsa bone mme re ikemisetse go ithuta mo go bone;
4. A re rotloetseng botshelo le meetlo ya lelapa le botho ka go gwetlha bomegabaru;
5. A re tlhotlheletseng tlhompho mo Molaong, mme re batleng gore baeteledipele ba rona ba tlotleng molao; mme
6. Re tshwanetse go tsoga re nne re ikategile mo go mekamekaneng le matshosetsi mo demokrasing ya rona.
Pitso mo thapelong
Go re thusa go lemoga seo re tshwanetseng go se dira, re rotloetsa phuthego nngwe le nngwe go simolola ka dithapelo tsa maitsiboa go simolola jaanong go fitlha ka nako ya ditlhopho. Re kopa gore ka nako ya Mmisa mo nakong e, thapelo e e latelang kgotsa e tshwanang le e, e dirwe ka nako ya Dithapelo tsa Badumedi:
"Rara, re go rapela gore ditlhopho tsa rona tse di tlang, dire tlisetse demokrasi e nonofileng, mme e re thuse go tsweletsa tiro ya rona jaaka baagi ba tshepegang mme re tlotle bangwe-ka-rona. A ditlhopho tsa rona tseo re tla di dirang di re tlisetse tsholofelo go bao ba senang tsholofelo, kagiso le polokesego go batho botlhe le bokamoso bo itumedisang."
Re solofela gore dithapelo tsotlhe di tla re rotloetsa go dira, gore Kereke e nne le matla a magolo go tlisa tolamo le kagiso mo lefatsheng le le ntle la rona.
A Modimo a tshegofatse Afrika!
MoArchbishop Buti Tlhagale
MoPresidente
Khonferense ya BaBishopo ba Katoliki mo Borwa ba Afrika
To download the pdf format of this letter, click here
To download the "Reflections for small groups" in Setswana, click here
To read this letter in English, click here
To read this letter in Afrikaans, click here
To read this letter in Zulu, click here
To read this letter in Xhosa, click here
To read this letter in Sotho, click here
To read this letter in Sepedi, click here
To read this letter in Portuguese, click here
Last Updated on Wednesday, 18 February 2009 15:06








